Hebrews 7

Keresete ke moemedi wa rona

1Melekisedeke yo, e ne e le kgosi ya motse wa Salema, gape e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo. E rile fa Aberahame a boela kwa gae a sena go fenya mo ntweng e kgolo e a neng a tlhabana le dikgosi tse dintsi mo go yone, Melekisedeke a mo kgatlhantsha a bo a mo segofatsa; 2mme Aberahame a ntsha tsa bosome mo go tsotlhe tse a di gapileng mo ntweng mme a di neela Melekisedeke. Leina le le reng Melekisedeke le raya, “Tshiamo,” jalo ke Kgosi ya Tshiamo; ebile gape ke Kgosi ya Kagiso ka ntlha ya leina la motse wa gagwe, ebong Salema, leina le le rayang, “Kagiso” fa le tlhalosiwa.

3Melekisedeke o ne a sena rraagwe le fa e le mmaagwe le gone ga go na sesupo sepe sa gore e ne e le wa losika lope. Ga a iselo a ke a bo a tsalwe le gone ga ise a ke a bo a swe, jalo botshelo jwa gagwe bo tshwana le jwa Morwa Modimo, moperesiti wa bosakhutleng.

4Ke gone lemogang gore Melekisedeke yo o mogolo thata jang:

Le e leng Aberahame tota, yo e leng motho wa ntlha ebile a tlotlega thata go gaisa botlhe ba ba itlhophetsweng ke Modimo a neela Melekisedeke tsa bosome mo dilong tsotlhe tse a di gapileng mo dikgosing tse a neng a di lwantsha.
5Mongwe o ne a ka tlhaloganya gore Aberahame o ne a direla eng jaana fa Melekisedeke e ne e le moperesiti wa Sejuta, gonne erile kwa morago batho ba Modimo ba direlwa molao o o ba tlamang gore ba ntshe dineo go thusa baperesiti ba bone, gonne baperesiti e ne e le masika a bone. 6Mme Melekisedeke e ne e se wa losika, mme le fa go ntse jalo Aberahame a mo duela.

Melekisedeke o ne a naya Aberahame matlhogonolo,
7mme fela jaaka mongwe le mongwe a itse, motho yo o nang le nonofo go segofatsa, ka gale o mogolo mo go yo o mo segofatsang.

8Baperesiti ba Sejuta, le fa ba ne ba a swa, ba ne ba amogela tsa bosome; mme re bolelelwa gore Melekisedeke ene o a tshela.

9Mongwe ebile o ne a ka re, le ene Lefi (tota ka sebele mogologolwane wa baperesiti botlhe ba Sejuta, wa botlhe ba ba amogelang tsa bosome), o ne a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke a di romela ka Aberahame. 10Gonne le fa Lefi a ne a ise a tsalwe, o ne a santse a le mo mankopeng (mo maleng) a ga Aberahame ka nako e Aberahame a neng a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke ka yone.

Keresete o tshwana le Melekisedeke

11Fa e le gore baperesiti ba Sejuta le melao ya bone ba ne ba na le nonofo ya go re boloka, ke eng jaanong fa Modimo o ne wa bona go tshwanetse gore o rome Keresete e le moperesiti yo o lekanang le Melekisedeke ka maemo, go na le gore o rome mongwe yo o lekanang le Arone ka maemo, a e leng gore baperesiti botlhe ba bangwe ba ne ba na nao?

12
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bahebera 7:14.
13
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bahebera 7:14.
14
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bahebera 7:12-14.
Mme fa Modimo o roma mofuta o mongwe wa boperesiti, molao wa one o tshwanetse go fetolwa gore o dumalane le thomo ya jone. Jaaka rotlhe re itse, Keresete e ne e se wa lotso lwa ga Lefi lwa boperesiti, mme o dule mo lotsong lwa Juta, lo lo neng lo ise ke lo tlhophelwe boperesiti; Moshe o ne a ise a ke a ba neele tiro eo.
15Jalo re ka bona sentle gore tsela e Modimo o tsamaisang dilo ka yone e ne ya fetoga, gonne Keresete, Moperesiti yo Mogolo yo mosha yo o tsileng a le mo maemong a ga Melekisedeke, 16ga a a ka a nna moperesiti ka go diragatsa molao o mogologolo wa gore a nne wa lotso lwa ga Lefi, fa e se ka ntlha ya motheo wa nonofo e e elelang e tswa mo botshelong jo bo sa khutleng. 17Ebile Mopesalema o supa selo se fa a bua kaga Keresete a re, “O moperesiti ka bosakhutleng o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.”

Molao wa bogologolo

18Ee, tsamaiso e kgologolo ya boperesiti e motheo wa yone e neng e le gore boperesiti e nne tshwanelo ya ba losika fela e ne ya tlosolosiwa gonne e ne e sena thuso epe. E ne e le bokoa ebile e sena molemo go boloka batho.

19Ga e ise e ke e siamise ope mo Modimong. Mme jaanong re na le tsholofelo e kgolo thata, gonne Keresete o re dira gore re amogelesege mo Modimong, ebile jaanong re ka atamela kwa go one.

20Modimo o ne wa ikana gore Keresete o tlaa nna moperesiti ka malatsi otlhe, 21le fa go ntse jalo Modimo ga o ise o ke o bue jalo ka baperesiti ba bangwe. O reile Keresete a le nosi fela wa re, “Modimo o ikanne ebile ga o kitla o fetoga mo maikaelelong a one. O moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” 22Ka ntlha ya maikano a Modimo, Keresete, o ka tlhomamisa ka kgolagano e ncha e, e e botoka.

23Ka fa tsamaisong ya kgolagano e kgologolo go ne go tshwanetse go nna baperesiti ba le bantsi, gore e tle e re fa ba bagolo ba a swa, thulaganyo e tle e tswelele.

24Mme Keresete ene o tshela ka bosakhutleng o bile o tsweletse go nna moperesiti gore go seka ga tlhola go tlhokega yo mongwe gape. 25O nonofile go bolokela ruri botlhe ba ba tlang kwa Modimong ka ene. Ka a tlaa tshelela ruri, o tlaa nna teng ka malatsi otlhe go gakolola Modimo gore o dueletse dibe tsa bone ka madi a gagwe.

26Jalo he, Jesu ke ene tota mofuta wa Moperesiti yo Mogolo yo re mo tlhokang; gonne o boitshepo ebile ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a a tladiwa leswe ke baleofi, ebile o neetswe bonno jwa tlotlego kwa legodimong. 27Ga a ke a tlhoka madi a diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo, jaaka baperesiti ba bangwe ba ne ba dira, go bipa dibe tsa bone pele le tsa batho morago; gonne o khutlisitse ditlhabelo tsotlhe gangwe fela, ka nako e a neng a intsha setlhabelo mo mokgorong. 28Ka fa tsamaisong e kgologolo, le baperesiti ba bagolo tota ba ne ba le bokoa e le baleofi ba ba neng ba ka seka ba kgaogana le go dira boleo, mme e rile morago Modimo wa tlhopha ka go ikanya Morwa One yo o itekanetseng ka bosakhutleng.
Copyright information for TsnLEF